Vuk’uzenzele P

Document technical information

Format pdf
Size 608.9 kB
First found Jun 9, 2017

Document content analysis

Category Also themed
Language
Italian
Type
not defined
Concepts
no text concepts found

Persons

Organizations

Places

Transcript

1
Ngwanaitseele 2014
Boitekanelo • Tlhabololo ya Metseselegae • Ditiro • Pabalasego le Tshireletsego • Thuto
Vuk’uzenzele
Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC) Setswana/English
Go tswa
Union
Buildings
Malapa a
mašwa a
bagodi ba
sesole tsebe 9
tsebe 3
Imbizo ya Moporesitente e naya
baagi tsholofelo
Moporesitente Jacob Zuma o buisana le Thulebone Maphumolo le bomonnawe ka
nako ya Imbizo ya Moporesitente.
More Matshediso
Malapa a le mararo a a
tlhokometsweng ke bana kwa
Mbali kwa Pietermaritzburg, a
nnile le tšhono e e sa bonweng
bonolo ya go bolelela
Moporesitente Jacob Zuma
ka mathata a bona fa a ne a
etetse lefelo leo jaaka karolo
ya Imbizo ya Moporesitente.
M
oporesitente o rile o hutsafaditswe
ke mosimane wa khutsana yo o
rweleng maikarabelo a go godisa
bomonnawe a santse a tsena se-
kolo.
"Thulebone Maphumolo ke ene yo mogolo mo lelapeng la gaabo. O leka go ithuta...
o leka go dira, mmogo le go golaganya lelapa
la gaabo," go boletse Moporesitente, fa a ne a
bua kwa imbizo e e neng e tshwaretswe kwa
Yunibesithi ya Thekenoloji ya Durban, kwa
Khamphaseng ya Indumiso.
Vuk’uzenzele
Maphumulo yo a nnang mo ntlong ya RDP
kwa Mbali 2, kwa Pietermaritzburg le bomonnawe ba le bararo, o rile o ne a sa solofela gore
Moporesitente a ka etela kwa gaabo.
Mosimane wa dingwaga tse 21 a re o ne a
tshogile fa Moporesitente Zuma a tsena kwa
gaabo.
"Maemo a re tshelang mo go ona kwa lapeng
ga a siama. Ke nna yo mogolo kwa lapeng mme
ke tlhokometse bonnake ba bararo ba dingwaga
di le 12, 10 le di le supa. Ba tsena sekolo mme
le nna ke moithuti kwa kholetšheng ya FET,"
o ne a rialo.
"Ga re na lotseno. Bonnake ga ba amogela madi
a thuso ya loago. Bontsi jwa nako re amogela
dikatso le tshegetso go tswa mo baagisaneng,
fela ka dinako dingwe ke dira ditironyana tsa
nakwana mafelo a beke go netefatsa gore re
tswelela go tshela," o ne a tlaleletsa.
Maphumolo o ithutela Tipoloma ya Human
Resources, fela o rata BCom. Accounting ka ntlha
ya fa a batla go nna ramatlotlo letsatsi lengwe.
"Ke simolotse khoso eno ka Seetebosigo
monongwaga mme ke dirile kopo ya kadimo
ya Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete
ya Baithuti. Ke solofetse go konosetsa khoso
ngwaga o o tlang ka Sedimonthole," o ne a rialo.
Moporesitente o rile puso e tla tlhokomela
lelapa la gaabo Maphumolo, gore a kgone go
ithutela khoso e a e ratang ka 2015 fa badire-
ke MAHALA
Ngwanaitseele 2014
diloago ba tla tlhokomela bomonnawe ba le
bararo.
"Ga ke na mafoko a go tlhalosa ditebogo
tsa me ka ntlha ya thuso ya ga Moporesitente
Zuma, ke leboga go menagane," o ne a tlaleletsa.
Ditona di feta 10 tse di neng di tsenetse
imbizo ya Moporesitente, e e leng ya ntlha
e e rulagantsweng ke tsamaiso e ntšhwa, di
ne le tsona tsa etela magae a a farologaneng
mo diwateng tse di farologaneng go ralala
Pietermaritzburg, pele ga go buisana le baagi.
Moporesitente Zuma, yo a neng a bua le baagi
ba ka nna 2 000 go tswa mo toropong kwa
tenteng e e neng e tlhomilwe kwa mabaleng
a metshameko a khamphase, o rile tshweetso
ya puso ya go tshwara imbizo e dirile gore
baeteledipele ba naga ba nne le tšhono ya go
reetsa matshwenyego a baagi.
"Re ka se ke ra tswelela go nna re re re a dira
mme re sa itse gore a batho ba amogela ditirelo kgotsa nnyaya. Re tshwanetse go tshwara
imbizo le batho gore re utlwe dipotso gongwe
dingongorego tsa bona," Moporesitente Zuma
o ne a rialo.
Ka nako ya imbizo, baagi ba ne ba bua ka
mathata a bona a tlamelo ya ditirelo mme
Moporesitente o ne a re a tla isiwa kwa mafapheng a a maleba mme puso e tla netefatsa
gore go samaganwa nao.
O rile leeto la gagwe le le latelang go tla kwa
lefelong leo le tshwanetse go tla ka dikgang
tse di monate, ka ntlha ya fa puso e tla bo e
samagane le dintlha tse dintsi.
Euginia Mbeje wa kwa Ashdown, kwa Pietermaritzburg o rile o itumeletse gore Moporesitente Jacob Zuma o etetse toropo ya gaabo.
"Nna ke akanya gore puso e re diretse go le
gontsi mo toropong ya rona. Mathata a mantsi
a rona ga a tlhole a le teng... re amogetse ditirelo
di le dintsi go tswa mo pusong. Bakhanselara
ba rona ba a leka e le ruri, fela go sa ntse go na
le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa," Mbeje
o ne a rialo.
Mme yo wa dingwaga di le 64 o rile mafapha
a a farologaneng a puso a tlhola a etela baagi
malebana le mananeo a tlamelo ya ditirelo.
"Lori ya Lefapha la Merero ya Selegae e tla
mo motseng wa rona go tla go thusa batho ba
ba nang le mathata ka makwaloitshupo a bona
le ditifikeiti tsa botsalo. Gape badirediloago ba
thusa ka merero e e farologaneng mo motseng
wa gaetsho," o ne a rialo.
Mbeje o rile le fa a itumedisiwa ke tlamelo ya
ditirelo ya puso ga jaana, tiriso e e botlhaswa
ya diritibatsi le bosenyi di sa ntse di tshwenya
bontsi mo motseng.
O ne gape a re a ka itumela fa puso e ka tsosolosa ditlamelo tsa metshameko le diholo mo
toropong gore di ungwele bašwa.
Tlhagisa maikutlo a gago
kgatlhanong le tirisodikgoka
mo basading le mo baneng
Albert Pule
P
uso e ikuela mo maAforika Borweng otlhe,
bogolo segolo banna, go tshegetsa letsholo
la Matsatsi a le 16 a Bolwelwaditshwanelo
kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng, le le simololang ka la bo
25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole.
Ngwaga le ngwaga, ka nako eno, puso le mekgatlho ya baagi ba dira mmogo go lemosa batho
ka ditlamorago tsa tirisodikgoka kgatlhanong le
basadi le bana.
O ka dira eng ka nako ya
letsholo?
• Apara lente le lesweu mo pakeng eno ya matsatsi a le 16. Lente le lesweu ke letshwao la
kagiso mme le bontsha maitlamo a moapari
gore a ka seke a diragatsa gongwe go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le
bana.
• Ithaope kwa mokgatlhong o e seng wa puso
gongwe setlhopha sa baagi se se tshegetsang
basadi le bana ba ba sotlakakiwang.
• Dira dikabelo kwa mekgatlhong e e direlang
go fedisa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi
le bana.
• Tlhagisa maikutlo a gago kgatlhanong le
tirisodikgoka mo basading le mo baneng. Rotloetsa batswasetlhabelo ba ba didimetseng
ba basadi go bua ka tshotlakako mme o netefatse gore ba bona thuso. Bega tshotlakako ya
bana kwa sepodising mme o rotloetse bana
go begela bothati jwa sekolo fa ba bogisiwa
ke bankane kwa sekolong.
• Banna le basimane ba rotloediwa go bua ka
tshotlakako le go se rotloetse mekgwa ya
tshotlakako.
• Batla thuso fa e le gore o sotlakaka molekane
wa gago le/gongwe bana mo maikutlong,
mo mmeleng gongwe ka thobalano.
O ka bona thuso kae?
Fa o sotlakakiwa gongwe o itse mongwe yo a
sotlakakiwang o ka letsetsa:
• Mogalathuso wa Bosetšhaba wa
Ditlalelano (Lifeline) - 0861 322 322.
• Mogalathuso wa Kgaotso ya Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng
- 0800 150 150.
• Batho ba ba Leng Kgatlhanong le Pogiso
ya Basadi (Powa) - 011 642 4345.
• Mokgatlho wa tsa Malapa le tsa Manyalo
wa Aforika Borwa (Famsa) - 012 4600733.
• Mokgatlho wa Bosetšhaba o o Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading 012 321 4959.
• Thobomaikutlo le Tshegetso mo
Baneng(Childline) - 0800 055 555.
• Matsholo a banna ba ba tshegetsang
gore go seke ga dirisiwa dikgoka:
Porojeke ya Banna jaaka Balekane 011 833 0504.
. . . fela e fetise fa o feditse
2
Ngwanaitseele 2014
Vuk’uzenzele
Rural
DIKGANG
Development
TSE DI AKARETSANG
Matseno a mantšhwa a kgwebo kwa KwaZulu-Natal
Chris Bathembu
Jaanong Boemelak epe
jwa Kgwebisano jwa Dube
kwa Durban ke Kgaolo ya
Tlhabololo ya Madirelo (IDZ)
ya semmuso.
E
tsena mo dikgaolong tsa ikonomi tse di
tshwanang le tseo di le tharo go ralala
naga.
Moporesitente Jacob Zuma o neetse
Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube
laesense ya go dira ya IDZ e e supang tshimologo
ya kgaolo e e setseng e ngoketse dipeeletso tsa
boleng jo bo ka atumelang R1 bilione fa e sale e
bulwa ka 2012.
"Eno ke kgato e nngwe mo tirong ya rona ya
go tlhama ditiro tse dingwe tse di tla namolang
lehuma mo bathong ba rona," Moporesitente
Zuma o ne a rialo kwa moletlong kwa Boemelafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa Kgosi.
IDZ ya Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa
Dube ke ya sešweng mo dikgaolong tse di
kgethegileng tsa ikonomi tse di anamisiwang
bosetšhaba tse maikaelelo a tsona e leng go godisa ikonomi ya naga go fitlhelela phitlhelelo e
e beilweng ya kgolo ya diphesente di le tlhano
ka 2019.
Jaaka IDZ ya ntlha ya Durban, IDZ ya Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube e tsena
mo lenaaneng la diporojeke tse dingwe tse di
Moporesitente Jacob Zuma o ne a neela semmuso laesense ya go dira ya Kgaolo ya
Tlhabololo ya Madirelo (IDZ) kwa Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube. O bonwa fano
le (go tswa molemeng) Motlatsatona wa Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri Mzwandile
Masina, Tona Rob Davies , Tonakgolo ya KwaZulu-Natal, Senzo Mchunu, Ratoropo wa
Teropokgolo ya Ethekwini James Nxumalo le Bridgete Gaza, Modulasetilo wa Boemelakepe
jwa Kgwebisano jwa Dube.
tshwanang le eo, tse di ngoketseng dipeeletso tse
di tlhakaneng tse di fetang R5 bilione kwa Port
Elizabeth, East London le Richards Bay.
Go ya ka Mokaedikakaretso wa Lefapha la
Kgwebisano le Intaseteri, Lionel October, dikgaolo tse di rileng tsa ikonomi tse dingwe di
tla atolosediwa go ralala naga jaaka puso e maatlafatsa maikemisetso a go dira gore ikonomi ya
Aforika Borwa e tlale madirelo jaaka go tlhokega
go ya ka Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba.
Go lebeletswe gore IDZ ya Boemelakepe
jwa Kgwebisano jwa Dube e fetole KwazuluNatal go nna matseno a botlhokwa a kgwebo
le monnileseabe wa botlhokwa mo tlamelong
ya dithoto lefatshe ka bophara. Dikarolo di le
pedi tsa peeletso – mo Kgaolong ya Kgebisano
ya Dube le mo Kgaolong ya Temo ya Dube - di
tla nna botlhokwa thata mo katlegong ya IDZ.
Maphata a magolo a a supilweng a akaretsa go
dira le go gokaganya tsa eleketeroniki, madirelo a
a amanang le tsa lefaufau le diphofo, temothuo le
boapei jwa dijalwa, tlhagiso ya melemo mmogo
le ya diaparo le masela.
Moporesitente Zuma o rile Boemelakepe jwa
Kgwebisano jwa Dube bo tla tlhama ditiro di
feta 150 000 ka 2060, mme ka ngwaga oo go
solofetswe fa tlhabololo e tla tsenya R5,6 bilione
mo Palogotlhe ya Boleng jwa Dikuno tsa Naga.
"Boemelakepe jwa Kgwebisano jwa Dube ke
e nngwe ya dikgang tse di monate di ka tlotliwang. Re ikemiseditse go tlhama lefelo le le
itumedisang babeeletsing. Re tla tswelela go
tokafatsa dikgato tsa tshegetso ka dikgaolo tse
di kgethegileng tsa ikonomi mmogo le didirisiwa
tse dingwe tsa ikonomi," o ne a tlaleletsa jalo.
Tona ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri,
Rob Davies o rile mokgwa wa dikgaolo tse di
kgethegileng tsa ikonomi o supegile fa e le sediriswa se se botlhokwa se se tsweletsang tlhabololo ya madirelo le go anamisiwa ga ikonomi mo
Aforika Borwa le kwa dikarolong tse dingwe tse
dintsi tsa lefatshe.
"Tseno ke madirelo a thata a tshegetsang mebaraka ya rona ya thomelontle mme a fitlhelwa
kwa maemelakepeng le kwa maemelafofaneng.
Mo tsamaong ya tsamaiso ya maloba re ne ra
sekaseka gore re ka fitlhelela eng mo lenaaneng la
dikgaolo tse di kgethegileng tsa ikonomi. Di-IDZ
di le tharo tse di dirang ga jaanong (kwa Port
Elizabeth, East London le Richards Bay) jaanong
di ngoketse dipeeletso tsa boleng jwa palogotlhe
ya R5 bilione mme go raya gore togamaano eo e
a dira," go ne ga rialo Tona Davies.
O rile puso e mo thulaganyong ya go tlhoma
Boto ya Dikgaolo tse di Kgethegileng tsa Ikonomi,
e e tla gakololang Tona ka go tsenngwa tirisong
le kgoeletso ya dikgaolo tse di kgethegileng tsa
ikonomi.
Moporesitente o rile batho ba KwaZulu-Natal
ba tla lekanyetsa katlego ya tlhabololo e ntšhwa
ka tsela e e tla fetolang matshelo ka gona ka go
tlhama ditiro.
R1bilione ya go aga le go toka- Lefapha la Tlhabololo ya Loago
thusa monna yo a nang le
fatsa ikonomi ya metsesetoropo le
bogole
Nosihle Shelembe
Puso ya Gauteng e tla
beeletsa go feta R1 bilione go
aga le go tokafatsa dikago tsa
ikonomi ya metsesetoropo mo
dingwageng di le tlhano tse di
latelang.
“R
e batla go dira gore ikonomi ya
metsesetoropo e nne le seabe sa
botlhokwa mo ikonoming ya
Gauteng. Re batla gore 30% ya
ikonomi ya Gauteng e nne ledikgwebo tsa metsesetoropo," go buile jalo Tonakgolo ya porofense,
David Makhura.
O tlaleleditse ka gore puso e batla go menaganya
ikonomi ya Gauteng gabedi le go e godisa go fitlha
go R2 tirilione mo dingwageng tse di tlang di le 15.
"Tsosoloso ya ikonomi ya metsesetoropo ke
nngwe ya ditsereganyo tsa go fetola, go
ntšhwafatsa le go tsosolosa madirelo mo ikonoming ya rona."
Fa a ne a bua kwa Samiting ya Tsosoloso ya
Ikonomi ya Metsesetoropo kwa Lebaleng la
Orlando kwa Soweto, o rile puso e tsibogela
ditlhokego tsa bagwebi ba metsesetoropo.
Maitlhomo a samiti e ne e le go naya bagwebi ba
selegae, bagwebipotlana (di-SMME) le dikoporasi
tšhono ya go tshwaela mo Togamaanong ya Tsosoloso ya Ikonomi ya Metsesetoropo.
Tonakgolo Makhura o rile Puso ya Porofense ya
Gauteng e lebeletse ditsereganyo di le mmalwa,
tse di tla thusang go godisa ikonomi ya metsesetoropo.
"Re batla go netefatsa gore go na le letlhomeso
le le maleba la semolao le le tla laolang... re tlhoka
go sekaseka melao mengwe e e sa tsweletseng
kgolo ya di-SMME le bagwebi ba metsesetoropo.
"Re batla go tsweletsa ditiro tse di mosola mo
metsesetoropong, re tshwanetse go tlhagisa ditlhagisiwa le ditirelo mo metsesetoropong."
Ditsereganyo tse dingwe di akaretsa go akofisa
tlhabololo ya bokgoni, go thusa bagwebi ka
ditšhelete mmogo le go beeletsa mo ikonoming
ya metsesetoropo.
Tona Makhura o rile puso e batla go thusa bagwebi ba kwa metsesetoropong ka phitlhelelo ya
mebaraka le ditheko.
Mo dikgweding di le tharo tse di fetileng, Tona
o nnile le patlomaikutlo mmogo le dipuisano le
bagwebi ba metsesetoropo go ralala porofense.
"Re etetse metsesetoropo e feta 65 mo Gauteng
mme ra utlwa megopolo ya batho ba ba amegang
mmogo le tshedimosetso ya sebele go tswa kwa
bagwebing ba feta 50 000 malebana le maano le
dikeletso tsa bona," Tona Makhura o ne a rialo.
Dingwe tsa dikgwetlho tse di lebaneng bagwebi
ba metsesetoropo di akaretsa go nna teng ga ditikwatikwe tsa marekelo, tsamaiso ya ditheko e e
sa tshegetseng ikonomi ya metsesetoropo mmogo
le kgatelelo e e boima ya sepodisi sa metro se se
tsayang thekiso ya mo mmileng jaaka bosenyi.
"Puso e tlamile bokana ka R60 milione mo ngwageng ono wa ditšhelete go beeletsa mo go ageng
mafaratlhatlha a a siameng go kgontsha bagwebi
ba metsesetoropo go dira kgwebo ya bona mo
seemong se se botoka," ga rialo Tona Makhura.
Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o boleletse bagwebi ba metsesetoropo gore boitlhamedi
ke bone jo bo laolang dikgwebo.
"Boitlhamedi ke bone jo bo laolang diikonomi.
Ke batla gore le tseye nako le akanye gore ke eng
sa boitlhamedi se le ka se dirang. Bafenyi mo
kgwebong e nngwe le e nngwe ke ba ba itlhamelang, mme ba akanya ka tsela ee seng ya tlwaelo,"
o ne a rialo.
Motlatsamoporesitente Ramaphosa o rotloeditse bagwebi go tokafatsa bokgoni jwa bona gore
ba tle ba kgone go buisa dipampiri tsa dikelo tsa
ditšhelete, go tlhaloganya ditlankana tsa lotseno
mmogo le go lootsa bokgoni jwa go bapatsa gore
ba fitlhelele mebaraka.
"Dikgwebo tsa metsesetoropo di tshwanetse go
nna tsona motheo wa go tlhagisa ikonomi ya naga
ka bophara. Le tshwanetse go tlhagisa dilwana
mo metsesetoropong mme le di rekise kwa Sandton... le tshwanetse go tswa mo porofenseng le mo
nageng le lebe kwa ntle.
"Ga re a tshwanela go leba go felela fa fela;
ikonomi ya metsesetoropo ke motheo fela. Re
tshwanetse go itlhoma jaaka rokete," o ne a rialo.
Motlatsamoporesitente o ne a ikuela mo dikgwebong tse dikgolo go tshegetsa ikonomi ya
metsesetoropo.
Ntlo e e fa godimo ke eo Siyabonga Khumalo le batsadi ba gagwe ba neng
ba nna mo go yona pele Lefapha la Tlhabololo ya Loago le ka e tsosolosa.
Albert Pule
K
e dingwaga di le dintsi, Siyabonga Khumalo wa dingwaga di le 21 a sa kgone go
tsamaya bonolo mo ntlong le
mo patlelong ya ga nkokoagwe kwa
Mdeni, Soweto. Ntlo eno ya diphaposi
di le nne e ne e sa siamela tiriso ya
setiloteti.
"Go ne go le boima mo go ene go ka
dira sepe gonne patlelo e ne e sa siamela setiloteti mme e bile le setupu sa
rona se sena tselana e e tlhatlhogelang
le go fologela," ga bua motswala wa ga
Siyabonga, Makhosi Khumalo.
Seno se fetogile ka ntlha ya tirisanommogo magareng ga mafapha a
tlhabololo ya loago, boitekanelo le
GVL Construction mmogo le Elliot
Mobility. Siyabonga le nkokoagwe
ba nna mo ntlong e e sa tswang go
ntšhwafadiwa mme e na le patlelo e
e nang le bofologelo go dira gore a
kgone go tsena le go tswa mo ntlong.
Polelo ya Lefapha la Tlhabololo ya
Loago e rile ntšhwafatsho e tla thusa
Siyabonga go dira dilo tse a neng a sa
kgone go di dira pele.
"Ditsereganyo di tla dira tšhono ya
gore Siyabonga a tsamaye a ikemetse
le go nna le seabe mo dintlheng tsotlhe
mo loagong," polelo e tlhalositse.
Makhosi a re fa e sa le go ntšhwafadiwa, Siyabonga o gololesegile
mme o kgona go itsamaela kwa ntle
ga mathata ape. Siyabonga ke yo
mongwe wa batho ba le bantsi ba ba
nang le bogole bao puso e ba thusitseng e bile e rulaganya go ba thusa.
Mo Puong ya gagwe ya Maemo
a Setšhaba ya 2014, Moporesitente
Zuma o tlamile tsamaiso ya jaanong
go dira gore gonne le dipoelo tsa
tekatekano mo bathong ba ba nang le
bogole. E rile kgwedi morago ga foo
ke fa go begwa gore go tlhamilwe
Setlhopha sa Tiro sa Moporesitente
sa Bogole.
Naga e tla tshwaya Kgwedi ya
Bosetšhaba ya Temoso ya Ditshwanelo
tsa Bogole magareng ga la bo 3 Ngwanaitseele le la bo 3 Sedimonthole
mmogo le Letsatsi la Boditšhabatšhaba
la Batho ba ba nang le Bogole ngwaga
mongwe le mongwe.
Moono wa 2014, ke “Re keteka
dingwaga di le 20 tsa ditshwanelo
tsa batho ba ba nang le bogole mo
Temokerasing ya rona! Mmogo re
tsweletsa pele Aforika Borwa ka
phetolo ya ka bonako ya ikonomi ya
loago.
Ngwanaitseele 2014
5
Vuk’uzenzele
Boitekanelo
Dijo tse di itekanetseng di lebisa kwa bophelong jo bo leele
Dingwaga di le 20 tsa
go lwantsha HIV/AIDS
Noluthando Mkhize
Fa lefatshe le keteka Letsatsi la
Boditšhabatšhaba la AIDS ka
la bo 1 Sedimonthole, Aforika
Borwa a ka gakologelwa
diphitlhelelo tse dikgolo
tse a di fitlheletseng mo go
lwantsheng bolwetse jono.
D
Noluthando Mkhize
le Nomaxabiso Tata
Fa malwetse a a sa fetelaneng a tshwana le jwa sukiri,
kgatelelo ya madi, malwetse
a pelo le kankere a tsweletse
go fefera lefatshe ka bophara,
maAforika Borwa a tshwanetse
go itlhokomela gore a ja eng.
M
oeletsimogolo wa Tikwatikwe ya
Boitekanelo ya Baagi ba Eersterust,
Erika Spaumer, yo e leng moitseanape wa kalafi ya malwetse a
dijo, o atlenegisa go ja maungo le meroro e e
foreše mmogo le ikatiso ya gangwe le gape jaaka
karolo ya go ja dijo tse di itekanetseng.
"Ke eletsa balwetse ka tsela ya go ja dijo tse
di itekanetseng ka madi a ba nang nao. Re dira
thulaganyo ya dijo tse di ka rekwang ka bontsi
di tshwana le reisi, bopi le phasta go boloka
madi. Ga ke atlenegise dijo tse di fetotsweng
gonne di a tura e bile ga di a itekanela.
"Dijo tse di mo metemeng, dijo tse di setseng di
segeletswe e bile di le mo dipakaneng, ke dikai
tsa dijo tse di fetotsweng. Go botoka go reka
merogo e e foreše mme o e itirele ka bowena.
Gape ke rotloetsa balwetse go nna le ditshingwana tsa meroro," o ne a rialo.
Lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse go
Se o tshwanetseng go se
itse ka ga bolwetse jwa
sukiri
K
a la bo 14 Ngwanaitseele ke Letsatsi la Lefatshe la Bolwetse jwa
Sukiri, le maikaelelo a lona e leng
go lemosa le go ruta batho ka ga
bolwetse jwa sukiri ka ntlha ya fa bontsi
jwa batho bo sa ntse bo ise bo lemogwe
gore bo na le bolwetse.
Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe wa
Boitekanelo, go na le batho ba ba nang le
bolwetse jwa sukiri ba ka nna dimilione di
le 347 go ralala lefatshe.
Bolwetse jwa sukiri ke
eng?
Bolwetse jwa sukiri ke fa motho a na le
seelo se se kwa godimo sa sukiri mo mading.
Seno se diragala fa mmele o sa tlhagise
insulini e e lekaneng. Kwa ntle ga insulini,
mmele ga o kgone go bona maatla ao e a
tlhokang go tswa mo dijong.
Gantsi, tlhagala e e bidiwang pakerisi
e dira insulini, mme yona e isa sukiri e e
nna le matsatsi a go sa jeweng nama ka ona
gangwe ka beke, moo go jewang dilenthili,
dinawa gongwe ditlhagiswa tsa soy, e leng tse
di itekanetseng e bile di le tlhotlhwatlase.
Tsela ya go apaya dijo
Spaumer o atlenegisa gore dijo di fufudiwe,
di bedisiwe gongwe di besiwe go na le go
gadikiwa.
"Fa go tlhokega gore go nne le dijo tse di
gadikilweng, bogolo tshasa marago a pitsana ka
mafura gonne seno se thusa go laola selekanyo
se se dirisiwang sa mafura."
O tsibosa kgatlhanong le go gadika dijo mo
teng ga mafura gonne fa mafura a bedisiwa a
fetola seemo.
"Mafura otlhe a merogo a siame fela fa o a
bedisia, a fetola seemo mme e nne mafura a a
sa siamang. Dijo tse di fetotsweng di diriwa ka
mafura a a fetotsweng - mafura a masweu a a
thata a a thibang methapo ya mmele wa gago
mme seo se ka dira gore o nne le kholesetorolo
e e kwa godimo.”
Go ja ka dinako tse di sa
tlwaelegang
Mathata a magolo a a amanang le dijo mo baaging ao Spaumer a lebanang nao ke go ja ka
dinako tse di sa tlwaelegang.
"Fa o sa je gangwe le gape, mmele wa gago o
amogela dijo tse dintsi ka nako e le nngwe fela.
Ga o dirise maatla otlhe a dijo mme a fetolelwa
go nna mafura. Gape balwetse ba nna le mathata
a go laola selekanyo sa ditshola tsa dijo."
O rotloetsa gore go dirisiwe sekao sa go ja
ka sejana sa go nna le setatšhe se se lekanang
fa go jewa dijodigolo tsa letsatsi, se na le
mo mading kwa diseleng. Ka bolwetse jwa
sukiri, pakerisi e retelelwa ke go tlamela ka
insulini e e lekaneng, gongwe insulini ga e
dire ka tshwanelo.
Mefuta ya malwetse a
sukiri
Go na le mefuta e megolo e le mebedi ya
malwetse a sukiri: Mofuta I, o tlwaelegile
ka leina la bolwetse jwa sukiri jwa bana, le
Mofuta II, o o tlwaelegileng jaaka bolwetse
jwa sukiri jwa bagolo. Mefuta ka bobedi e
na le matshwao a a tshwanang, fela a bakwa
ke dilo tse di farologaneng.
Bolwetse jwa sukiri jwa Mofuta I, jo gantsi
bo lemogwang motho e sa le ngwana, ke
bolwetse jo mo go jona masole a mmele a
tlhaselang le go bolaya disele tse di tlhagisang insulini mo pakerising. Seno se tlogela
mmele o se na insulini, e bile o sa kgone go
laola seelo sa sukiri mo mading.
Bolwetse jwa sukiri jwa Mofuta II
ke bolwetse jo bo nnang fa disele tsa
mmele di dipela insulini. Mofuta II
wa bolwetse jwa sukiri o farologana le
Mofuta I ka gore mmele o sa ntse o tlhagisa insulini fela ga e dirisiwe ka tshwanelo.
merogo le poroteini ya selekano sa seatla e
tshwana le tlhapi gongwe nama ya kgogo.
Seneke
Go ja diseneke tse dinnye magareng ga dijo go
botlhokwa fela jalo.
"Diseneke tse di siameng ke maungo a a foreše,
yokate ya mafura a a kwa tlase gongwe mašwi.
Re atlenegisa gore batho botlhe ba tshwanetse
go ja bonnye dikarolwana di le tharo tsa yokate
gongwe mašwi ka letsatsi. Diseneke tse dingwe
e ka nna popcorn, merogo e e segeletsweng
boleele, matokomane a a senang letswai le
maungo a a omisitsweng, ka selekano se sennye," ga rialo Spaumer.
Go ja ka tsela e e
itekanetseng
Difitlholo ke dijo tsa botlhokwa tsa letsatsi mme
di tshwanetse go akaretsa dijo tse di nang le
digwata tse ntsi di tshwana le outsu gongwe
borotho jwa korong e ntsi ka mašwi le leungo.
Dijo tsa motshegare tse di siameng e ka nna
samentšhisi ya borotho jwa korong e ntsi bo sa
tshasiwa sepe ka salate mmogo le poroteini e
tshwana le tšhisi gongwe nama le leungo.
Ka dilalelo, o atlegenisa nama ka merogo
gongwe salate gonne tshilo e a iketla fa o robetse
mme seo se diegisa tshilo.
Spaumer a re maAforika Borwa a tshwanetse
go ikilela mo dijong tse di fetotsweng di tshwana
le paloni, salami le disopo tsa dipakana tse di
tletseng letswai.
Seno se akaretsa dijo tse di gadikilweng mo
teng ga mafura le dino tse di nang le sukiri ya
selekano sa maswana a tee a le magareng ga
thataro le robedi.
Matshwao
Matshwao a bolwetse jwa sukiri a akaretsa:
• Go nyorwa ka dinako tsotlhe
• Go lapa ka dinako tsotlhe
• Go tlhapologa kgapetsa kgapetsa
• Go fokotsega mmele
• Go babelwa le pono e e letobo
Ke mang yo a ka tshwarwang ke bolwetse jwa sukiri?
Mongwe le mongwe a ka tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri. Go nna mokima thata le fa go na
le bangwe ba ba nang le bolwetse jwa sukiri
mo lesikeng go ka oketsa matshosetsi.
Go ya ka mofuta le gore bolwetse bo tseneletse go le kana kang, bolwetse jwa sukiri bo
ka alafiwa ka dijo le ikatiso, gongwe dijo,
ikatiso le melemo. Melemo e ka nna meento
ya insulini, dipilisi gongwe tsone ka bobedi.
Dikgang tse di monate ke gore go tshwarwa
ke bolwetse jwa sukiri ga go kae go khutla
ga botshelo jwa ka gale jo bo itekanetseng. O
tshwanetse go amogela gore o na le bolwetse
mme o ithute go bo laola.
Tsamaiso le taolo ya sukiri ya madi di
botlhokwa thata gonne di thibela gongwe
ingwaga di le tlhano tse di fetileng,
naga e ne ya tsaya tshweetso ya
bopelokgale ya go ntšhwafatsa dipholisi tsa HIV/AIDS mmogo le go
tsenya batho ba le bantsi mo kalafing ya dilwantshamegare (di-ARV).
Seno se ne sa oketsa go tshela sebaka sa go
tshela go tswa go dingwaga di le 52,7 ka 2002
go ya go dingwaga di le 59,6 ka 2013. Go na le
maAforika Borwa a feta dimilione di le 2,4 ba
ba mo lenaaneng la kalafi ya di-ARV.
Ka nako ya Tekanyetsokabo ya gagwe, Tona
ya Boitekanelo, Aaron Motsoaledi o itsisitse
gore batho ba ba nang le HIV ba ba nang le
CD4 count ya 500 ba tla kgona go amogela
di-ARV, mme seo sa tlhoma motheo wa diphitlhelelo tse di beilweng ke Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba la gore di-ARV di bo di
fitlhelelwa ke batho botlhe ba ba nang le HIV
ka ngwaga wa 2030.
O ne gape a re malebana le basadi ba ba
imileng, Lefapha la Boitekanelo jaanong le
tla latela boitlhophelo B+ jwa Mokgatlho wa
Lefatshe wa Boitekanelo, jo bo tlhalosang gore
moimana mongwe le mongwe yo a nang le
HIV o tshwanetse go neelwa kalafo ya go ya
go ile go sa lebelelwe seemo sa gangwe sa CD4
count.
Ga jaanong, pholisi ya HIV mo nageng e tlhalosa gore baimana ba neelwe di-ARV; batsetse ba neelwe di-ARV, mme ba tswelele go di
dirisa fa ba santse ba amusa mme ba emise fela
morago ga go emisa go amusa ebile fa CD4
count ya bona e le 350.
Pholisi eno e ntšhwa e tla diragadiwa go tloga
ka Ferikgong 2015.
Gape Lefatshe la Boitekanelo le anamisitse
motswako wa selekanyo se se tsepameng se se
bidiwang 'tekanyetso e le nngwe' se se nang le
emtricitabine, efavirenz le tenofovir.
Seno se thusa go fokotsa mokgweleo wa
dipilisi mo balwetseng ba ba nang le HIV.
Ka Letsatsi la Lefatshe la AIDS, ditšhaba
tsotlhe di kopana go oketsa temoso malebana
le bolwetse mmogo le go rotloetsa mongwe le
mongwe go tsaya maikarabelo a boitekanelo
jwa gagwe ka go diragatsa thobalano e e babalesegileng le go dira diteko tsa HIV.
go fokotsa kotsi ya gore bolwetse bo ka nna
marara.
Seelo se se kwa godimo thata sa sukiri mo
mading (hyperglycemia) se ka baka malwetse a
diphio, matlho, pelo, methapo ya madi mmogo
le malwetse a mangwe. Kwa ntle ga tsamiso e
e siameng, go ka lebisa kwa bolwetseng jwa
pelo, diphio, bofofu tota le go kgaolwa dirwe.
Dijo tse di itekanetseng ke motheo wa taolo
e e siameng ya sukiri ya madi mo mofuteng
mongwe le mongwe wa bolwetse jwa sukiri,
tota le kwa ntle ga melemo mo mabakeng mangwe. O ka ne o alafiwa ka meento ya insulini
gongwe dipilisi, o sa ntse o tlhoka go latela tsela
ya go ja e e amogelesegang.
Go tlhokega ikatiso ya ka gale ya magareng
ga gararo le gane ka beke, sebaka sa metsotso
e le 20-50 gore o nne le boitekanelo jo bo siame.
Seno se akaretsa:
• Go palama le go fologa ditepisi go na le go
palama lifti.
• Go tsamaya ka moato go ya mabentleleng
go na le go tsamaya ka sejanaga.
• Go tlola kgati makgetlo a le 50 –100 ka
letsatsi.
Motswedi: Lefapha la Boitekanelo la
KwaZulu-Natal.
Ngwanaitseele 2014
9
Vuk’uzenzele
TLAMELO YA DITIRELO
Go direla baagi botoka
Albert Pule
Jaanong baagi ba tla
itemogela pusoselegae e e
tokafetseng le go amogela
tirelo e e kgotsofatsang le ya
boleng jo bo siameng.
T
ona ya Pusotshwaraganelo le Merero
ya Setso, Pravin Gordhana, yo o
buileng kwa Samiting ya Moporesitente ya Pusoselegae fa gautshwane,
o rile makgotlatoropo a tla dirisa matlole a
setšhaba ka kelotlhoko, a thape badiri ba ba
nang le bokgoni, a netefatse gore go direlwa
dilo mo pepeneneng le go ikarabela mo bathong ba a ba direlang.
O rile go tla baakanngwa diroboto, dithepe
tse di dutlang mmogo le mabone a mebila; go
tla segiwa tlhaga mme mesima e e mo mebileng
e tla thibiwa.
"Dingongorego ke gore ga re ise batho tlhogong mme gantsi re tsaya sebaka go tsiboga.
Ka dinako dingwe re tsaya matsatsi a le mararo
go tsibogela sengwe se se neng se ka tsaya letsatsi. Re tlhoka go fetola seo mme re tsibogele
mathata ka nako," ga rialo Tona Gordhan.
O ne a tlaleletsa ka gore makgotlatoropo
otlhe a tshwanetse go dira ka natla go feta, a
direle baagi ka tsela e e farologaneng mme a
tsibogele matshwenyego a bona mo nakong e
e amogelesegang.
Tona Gordhana o rile gore pusoselegae e dire
sentle le go nna le dipoelo tse di molemo mo
matshelong a baagi, boeteledipele jwa sepolotiki le batsamaisi ba tshwanetse go nna le seabe
sa botlhokwa.
"Rotlhe re na le maikarabelo a go fetola ma-
tshelo a batho le go tlhamela ikonomi ponelopele
e e botoka."
Samiti e itlamile go boela kwa motheong le go
dira dilo tse di bonolo sentle.
Go thusa pusoselega go tswelela pele, puso ya
bosetšhaba e tla tshegetsa, ela tlhoko, tsereganya
le go etefatsa gore go obamelwe melawana le
seemo.
Baemedi kwa samiting ba akareditse
boeteledipele jwa pusoselegae go ralala naga, ba
ba itlamileng ka tse di latelang:
• Go diragatsa lenaane la Re boela kwa Motheong.
• Go tlhama seemo sa botshelo jo bo seriti
ka go tswelela go tlamela ka ditirelo tsa
makgotlatoropo tsa boleng le seemo se se
siameng. Seno se akaretsa go loga maano le
go tlamela ka dikago le ditlhokego.
• Go netefatsa taolo e e siameng le tsamaiso e e
lolameng, go fokotsa tshenyo, go dirisa madi
a setšhaba ka kelotlhoko, go thapa badiri ba
ba nang le bokgoni, le go netefatsa gore dilo
di direlwa mo pepeneneng le ka maikarabelo. Go netefatsa gape gore go thibelwa bobodu mme bo tomolwa mo magatong otlhe.
• Go netefatsa tsamaiso e e siameng ya matlole
Bathandwa Mbola
Puso e tla diragatsa lenaane la Re Boela kwa Motheong le le netefatsang gore
maAforika Borwa a amogela ditirelo tsa ka gale tsa makgotlatoropo.
Go dira tsa motheo ka tshwanelo
G
o buisana le baagi, go tshwara
dikopano tsa gangwe le gape tsa
ratoropo, le go reetsa matshwenyego a baagi ke dingwe tsa
dintlha tse di dirang gore Lekgotlatoropo la
Selegae la Steve Tshwete le atlege.
Seno ke go ya ka Ratoropo wa Lekgotlatoropo la Selegae la Steve Tshwete, Mike
Masina yo a neng a abelana kgang ya gagwe
ya katlego le baemedi kwa Samiting ya
Moporesitente ya Pusoselegae.
O ne a tlhalosa gore lekgotlatoropo le ne la
tshwanela go kgona tsa motheo mmeseo ke
sona se dirang gore le bo le le mo makgotlatoropong a a diragatsang go gaisa.
Lekgotlatoropo le fitlhelwa kwa Kgaolong
ya Nkangala kwa Porofenseng ya Mpumalanga mme le akaretsa lefelo la bogolo jwa
3 993 km². Le na le dioto di le 29 tse di nang
le magae a le 64 971.
Fa e sale ka 2006, lekgotlatoropo le gapile
dikgele di le 15. Dikgele di akaretsa Dikabo
tsa Boruni jo bo Lolameng tsa 2012/13, Dikabo tsa Boruni tsa 2011/12, Dikabo tsa Boruni jo bo Lolameng tsa 2010/11, Dikabo tsa
Boruni jo bo Lolameng tsa 2009/10 mmogo le
Bafenyi ba Makgotlatoropo a a Dirang Sentle
mo go Phepafatseng Tikologo mo Mpumalanga mmogo le Dikabo tsa Boruni jo bo
Lolameng jwa Mekgatlho ya Dipusoselegae
tsa Aforika Borwa tsa 2009.
Ratoropo Masina a re lekgotlatoropo le
tlhamile togamaano e e tlhamalatseng ya
tlhaeletsano go netefatsa gore baagi ba
itsesewe ka maano le dikgwetlho tsa lona.
"Re na le tirisanommogo ya tiro e e siameng
le bobegakgang jwa kgatiso le jwa eleketeroniki. Ke na le kholomo e ke ye kwalelang
mo Middelburg Observer, e leng lekwalodikgang la selegae, moo ke itseseng baagi ka
ga maano a rona beke nngwe le nngwe," o
ne a rialo.
Go ya ka Ratoropo Masina, tlhaeletsano le
baagi ke mooko wa go tila ditshupetso tse
di ka nnang gona mmogo le dikhuduego
tsa tlamelo ya ditirelo.
"Fa o tshola baagi ba itse ka maano a gago,
o setse o samagane le kgonagalo ya gore ba
ka dira ditshupetso ka ntlha ya fa ba itse
maano a lekgotlatoropo."
O tlaleleditse ka gore lekgotlatoropo gape
le na le seloto sa radio ko Middelburg FM
koo bakhuduthamaga ba buang ka mananeo le dikgwetlho tsa lekgotlatoropo gona
mme gape ba amogela ditshwaelo tsa baagi.
Mokgwa o mongwe wa tlhaeletsano o o
dirisiwang ke lekgotlatoropo ke mogala wa
SMS. Mogala o dirisediwa go itsese baagi ka
ga dikitsiso dipe tsa potlako, go akarediwa
go kgaoga ga motlakase le metsi.
Ratoropo Masina o rile lekgotlatoropo
le tshwara dikopano tsa ratoropo gangwe
le gape koo lefapha lengwe le lengwe le
begang ka dikatlego le dikgwetlho tse di
itemogetsweng.
Ratoropo o tlhagisitse gape gore kwa
Lekgotlatoropong la Selegae la Steve
Tshwete, seabe le maikarabelo a baamegi le
batsamaisi di tlhalositswe sentle.
"Se re se fitlheletseng sentle ke go tlhalosa
seabe le maikarabelo a botlhe ba ba mo kantorong ya sepolotiki le batsamaisi ba rona.
"Jaaka ratoropo, seabe le maikarabelo a
me di tlhalositswe sentle, mme go fela jalo
le ka batsamaisi le Mmusakgotla. Mongwe
le mongwe o itse se go solofetsweng gore
a se dire."
Ratoropo Masina o dumela gore fa makgotlatoropo a mangwe a ka tlhaeletsana
le baagi ba ona, a thapa batho ba ba nang
le bokgoni le borutegi jo bo siameng, le fa
boradipolotoki ba ba mo dikantorong ba
ka tlogela go kgoreletsana le tsamaiso ya
makgotlatoropo, pusoselegae e ka leba kwa
ntlheng e e siameng mme ya dira pharologano mo matshelong a baagi.
Nonceba wa dingwaga di
le 87 ga a kgona go fitlhelela
boitumelo jwa gagwe gongwe go nna le mafoko a go
tlhalosa tebogo ya gagwe fa a
ne a itsesewe jaaka mongwe
wa baamogelatshiamelo ba
ntlha ba letsholo la puso la go
agela bagale ba sesole dintlo
di le 5 000.
le palotlotlo ka go tsamaisa ditlamelo
ka kelotlhoko gore go tlamelwe ka
ditirelo ka tsela e e nnelang leruri le go
isa ditlhabololo kwa baaging.
• Go aga le go tlhokomela bokgoni jo
bo siameng jwa setheo le tsamaiso e e
tsamaisiwang ke badiri ba ba boineelo
e bile ba na le bokgoni mo magatong
otlhe.
• Go baya batho le matshwenyego a bona
pele le go netefatsa gore go nna le kgolagano ya ka gale le baagi ka ditlamelo
tse di bokgoni tsa seabe sa baagi.
• Go netefatsa kelotlhoko le pegelo ya
tiragatso ya kwatara mo tirong ya
makgotlatoropo jaaka go kaelwa ke
thulaganyo ya Re boela kwa Motheong.
• Go tokafatsa botsamaisi jwa sepolitiki
mo makgotlatoropong le go tsibogela
ditlhokwa le diphegelelo tsa baagi ba
selegae.
Tona Gordhan o rile lefapha la gaabo le
tla ikamanya le tsamaiso ya Re Boela kwa
Motheong go samagana le dikgwetlho tse
di lebaneng pusoselegae mme a itlama go
maatlafatsa pusoselegae gore naga ya rona
e gatele pele.
Legae le lentšhwa
la mogale wa
sesole
L
ubenga, yo e nnileng mongwe wa
bagale ba ntlha ba sesole ba ba supilweng mo polokelotshedimosetsong ya
Gauteng, o rile o itumeletse gore puso e
sweditse go tlotla karolo e ba nnileng le yona
mo kgololesegong ya naga.
O ne gape a dumela gore seo se tla naya
tsholofelo go ba bangwe ba ba tshwanang nae,
ba ba sa bolong go leta ba le kwa thoko.
"Ke itumelela gore puso e iteka go siamisa
go tlhoka tshiamiso ga maloba gonne jaanong
le nna ke na le lefelo le le nang le seriti le nka
le bitsang legae," go buile tokololo ya maloba
ya mokgatlho o o neng o ileditswe, Umkhonto
we Sizwe.
Lubenga o ile Lusaka, Zambia, ka Diphalane
1971 mme a boela mo nageng ka 1991. Ga
jaanong o nna le ditlogolwana tsa gagwe kwa
Yeoville mme ga a ise a nne le ntlo mo botshelong jwa gagwe.
Fela mo kgweding eno, o tla fudugela semmuso kwa legaeng la gagwe la diphaposiborobalo
di le pedi kwa Fleurhof Estate, e e ipelang ka
ditlamelo tsa sešweng.
Fleurhof Estate ke tlhabololo ya dintlo tsa
batho ba lotseno lo lo farologaneng e e fitlhelwang kwa Mmileng wa Main Reef, dikilometara di le 13 kwa bophirimeng jwa Kgaolo
ya Tikwatikwe ya Dikgwebo ya Johannesburg.
Lefelo leo ke karolo ya letsholo la puso la
tsweletso ya tsosoloso metsesetoropo. Fa le
sena go konosediwa, porojeke ya tlhabololo e
tla bo e na le dintlo di feta 9 000.
Go ya ka City of Joburg, nngwetharong ya
tlhabololo e tla nna dintlo tsa RDP, fa nngwetharong ya bofelo e tla nna dintlo tsa bonto.
Gape go tla nna le ditsha tsa ditikwatikwe tsa
kgwebo tsa tiriso e e kopaneng, ditsha tsa madirelo, dikheretšhe, mafelo a thapelo, ditlamelo
tsa baagi, dikolo le dibaka tse di bulegileng tsa
botlhe.
Tona ya Manno a Batho, Lindiwe Sisulu o
simolotse letsholo, le le thulaneng le Go Agelwa
Tona ya Lefapha la Manno a Batho,
Lindiwe Sisulu le mogale wa sesole
Nonceba Lubenga, moamogelatshiamelo
wa ntlha wa ba le bararo ba letsholo la
Go Agelwa ke ba Kgasodikgang.
ke ba Kgasodikgang ya ngwaga le ngwaga e
e lemogwang ka fa tlase ga moono wa 'Re
busetsa seriti sa baganka ba maloba ba sesole
ka manno a batho.'
Go Agelwa ke ba Kgasodikgang e dirile gore
Tona Sisulu, batho ba ba itsegeng ba bobegakgang, baamegi le baetleetsi go tswa kwa
lephateng la poraefete ba semelele go aga le
go penta dintlo di le tharo tsa bagale ba sesole.
Tona Sisulu o rile lefapha la gagwe le ipeetse
phitlhelelo ya go aga madulo a le 5 000 mo
diporofenseng tsotlhe di le robongwe mo
sebakeng sa dingwageng di le tharo.
"Re batla go ba agela dintlo tse di nang le
seriti go busetsa seriti sa bona le go tlotla
karolo e ba nnileng le yona mo kgololesegong
ya rona. Seno ke setlapele sa bosetšhaba," Tona
o ne a rialo.
O ikuetse mo baaging ba Fleurhof le mafelo
a mangwe, koo bagale ba sesole ba tla nnang
gona, go ba tlhokomela.
"Batho bano ba neetse matshelo a bona go
lwela kgololesego mme ka jalo, go botlhokwa
gore re ba tlotle le go ba naya seriti."
Gareng ga baetleetsi ba ba neng ba na le Tona
Sisuly go ne go na le Calgro M3, First National
Bank le Kansai Plascon, Lefapha la Bagale ba
Sesole mmogo le City of Joburg.

Similar documents

×

Report this document